Leboko la Bataung Boo Selale
“Kgosi Sefanyetso Sefanyetso” e ne e kgosi ka dingwaga tsa 1819. Ga ipoka o ne a re:
Ramatlho a phumutsa
O kwa Ngwaritse
O tlhola a phumusetsa batsamai
A phumusetsa Bakgatla le Matebele a sifikile
A re ba tle ba tsamaye ba mmolela
Ba re motho o fa Ngwaritse wa phumusa
Ke Maloisane wa tsie
Tsie mpholetse ya ga Modise
O tswile ka dira a kgatlametsega
A re nkabe ke sa busa ko Mojapela
Makoloanyane a ne a tla fela
A na a tla fetswa ka tshipi tshwana
A ne a tla fela ka tshipi tshwana legoleng
Ngwana Mmakgoro e sa tswaleng ka mmutlwa
E tsalwa kwa bogadi ba ngwana
wa mosetsana, ba go Gontse
Gontse wa mmutlwa
Aweeeteee Aweeeteee….!!! Mmabogweefe
Sebata Tau…!!!
Motaung wa selale le namane mo sakeng
Wa se tlhoka motlhaudi
Ke namane ya Tau, fa go fetileng Tau
Go lla leroborobo
Banna ba opa mokgosi
Ba re go fetile sebata se se maroo a magolo
Ga lla leroborobo, ke tshetlha ya dikgwa
E feta ka motho e a putla, e feta ka kgomo e a putla
Ke seja kgomo le motho
Sebata…!!! Tau…!!!